Language Index

Baebele e e Boitshepo




Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo; BaRoma 3:23

Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 6:23

Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang: BaEfeso 2:8-9

Mme mokgethisi ene, a emela kwa kgakala, le e leng matlho a se ka a a lelaletsa legodimong, a ititaya sehuba a re: 'Modimo, nkutlwela botlhoko, nna yo ke leng moleofi.' Luke 18:13

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. Johane 3:16-17

Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela. 1 BaKorinthe 10:13

Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 8:38-39

Gonne Keresete ke bowelo jwa molao, go isa tshiamong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang. BaRoma 10:4

Gonne wa re: "Ke go utlwile mo motlheng o o lebosegang, le mo letsatsing la poloko ka go thusa." Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko. 2 BaKorinthe 6:2

Jaana e rile ba utlwa ba tlhabega mo pelong, ba raya Petere le baaposetole ba bangwe ba re: "Bakaulengwe, re tlaa dirang?" Petere a ba raya a re: "Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo. Ditiro 2:37-38

Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo biotshepong jwa boammaaruri. BaEfeso 4:24


BaRoma

Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo; BaRoma 3:23

jaaka go kwadilwe ga twe: "Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela; BaRoma 3:10

Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 6:23

Ke gone, jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile; BaRoma 5:12

Gonne e rile re sa ntse re le bokoa, Keresete a swela baikepi mo lobakeng lo e leng lone. BaRoma 5:6

Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. BaRoma 5:8

Yo o tlhomamisitsweng fa e le Morwa Modimo ka nonofo, ka fa moweng wa boitshepo, ka go tsoga mo baswing; e bong Jesu Keresete Morena wa rona, BaRoma 1:4

ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. BaRoma 6:9

la go re: Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo o mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa. BaRoma 10:9

Gonne ga twe: "Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa." BaRoma 10:13

Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 8:38-39


Rraetsho yo o kwa legodimong

Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe. Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi. Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona. O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gao, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.) Mathaio 6:9-13


Psesalema 23

Jehofa ke modisa wa me; ga nketla ke tlhoka sepe. O mpothisa mo mafulong a matalana; o nkgogela ka fa metsing a a didimetseng. O rudisa mowa wa me; o ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Ee, le fa ke ralala mogogoro wa moriti wa loso, ga nketla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna; kgoge ya gago, le thobane ya gago, tsone di a nkgomotsa. O a tle o baakanye bojelo fa pele ga me, mo ponong ya baba ba me; o tloditse tlhogo ya me ka lookwane; senwelo sa me se a penologa. Ruri molemo o tlaa ntshala morago le boutlwelobotlhoko, ka malatsi otlhe a go tshela ga me; mme ke tlaa aga mo ntlong ya ga Jehofa ka bosakhutleng.


Botsalo jwa ga Jesu

Jaana e rile mo metlheng eo ga tswa taolo kwa o Kaesare Aguseto, gore lefatshe lotlhe le kwalwe. Go kwalwa mo ga ntlha, ke mo go dirilweng ka Kuirinio a le molaodi wa Siria. Mme botlhe ba ya go kwalwa, mongwe le mongwe a ya kwa motseng wa ga gabo. Josefe le ene a tlhatloga kwa Galilea, a tswa motseng wa Nasaretha, a ya kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafite, o o bidiwang Bethelehema; ka a le wa kgotla le wa losika lwa ga Dafite; a ya go kwalwa le Maria, mosadi yo o mmeeleditseng, a bile a le moimana. Ga dirala ya re ba sa le gone, a fitlha malatsi a o tlaa belegang ka one. Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti. Jaana ga bo go le badisa mo nageng, mo lefatsheng leo, ba disitse letsomane la bone bosigo. Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo. Moengele a ba raya a re: "Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe. Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena. Mme se, e tlaa nna sesupo mo go lona; lo tlaa fitlhela ngwanyana a phuthetswe ka matsela, a letse mo bojelong jwa dipitse." Mme baa tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re: "Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone." Ga dirala e rile baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: "A re yeng fela jaana kwa Bethelehema, re bone selo se, se se dirafetseng se Morena o se re itsisitseng." Jalo ba tla ka potlako; ba fitlhela Maria le Josefe, le ngwanyana a letse mo bojelong jwa dipitse. Ya re ba sena go bona, ba itsise mo ntlheng tsotlhe lefoko le ba le boleletsweng ka ga ngwana yo. Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamadiwa ke dilo tse badisa ba di ba bolelelang. Mme Maria a boloka dipolelo tsotlhe tse, a di akanya mo pelong ya gagwe. Badisa ba boa ba galaletsa Modimo, ba o baka ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba boleletswe. Luke 2:1-20

Copyright © Bible Society of South Africa 1992


Language index